Jump to content

Moshaweng

Go tswa ko Wikipedia
Moshaweng
Country Botswana
DistrictKweneng District
Palo batho
 (2001)
 • Total974

Moshaweng ke motse yo mo kgaolong ya Kweneng e e mo Botswana. O dikhilomethara tse di masome a borataro mo bophirima jwa motse wa Molepolole. Palo ya batho ba Moshaweng e ne e le makgolo a borobabongwe,masome a bosupa le bone mo palo bathong ya ngwaga wa 2001.[1]

Borokgwe le kgotla di sela mmapa

[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosi Rantsimane Banyatsi wa Moshaweng o buile a sa kgwe mathe ka go latlhega ga ngwao ya setswana.Kgosi Banyatsi o ne a bua jalo a amogela baeng kwa dikgaisanyong tsa banana tsa ngwao kwa Letlhakeng ka mafelo a beke.O ne a itebagantse le banana ba ba neng ba tsile dikgaisanyong, a re go tlhabisa ditlhong go bo ba basetsana ba apere marokgwe ntswa ba ne ba itse gore dikgaisanyo tseo di tshwaretswe mo kgotleng.O ne a bolelela banana gore ka ngwao ya Setswana, mosadi ga a letlelelwe go tsena mo kgotleng a apere borokgwe, mme e bile le rre o tshwanetse a role hutshe fa a tsena ka lekgotla.Kgosi Banyatsi a re seo ke tlotlo e bile ke tlholego ya kgotla, ka jalo a re go kgalemelwe fela thata gore go tle go nne le pharologano.Mo dikgaisanyong tseo, banana ba Moshaweng ba nnile bommampodi.Ya bo e le semphete ke go fete mo kgotleng ya Letlhakeng banana ba kgaolo ba kopane go gaisana, mme ba Moshaweng ba ikgapela sekgele mo dikhwaereng ga mmogo le bodiragatsi fa sekgele sa mmino sone se tserwe ke banana ba Mantshwabisi Dikgaisanyo tse, ke maiteko a ga tautona a go ntsha banana mo ditseleng tse di makgaphila, le go ba rotloetsa go dirisa dineo tsa bone go itshetsa.

E rile a tswa la gagwe, modiri mo lephateng la bodiragatsi le ngwao, Rre Bopelo Gaothusi a bolela fa banana ka bontsi, bogolo jang ba ba sa direng, ba inaakantse le diritibatsi, nnotagi, le go senya, mme ka jalo Tautona o ne a bona go tshwanela gore go nne le sengwe se ba ka intshang boduto ka sone. Rre Gaothusi a re bodiragatsi le mmino ke go naya banana sebaka sa go itumela, go ipela le go abelana botsipa le boitsaanape jwa neo ya Modimo.O ne a ba kgothatsa gore ba tsee boikarabelo mme ba dire ka natla, a re ka madi a ba a boneng ba tshwanetse ba dire sengwe sa itshetso, gona le go jela mo ganong.Le fa go ntse jalo, kgosi o ne a lebogela thulaganyo ya ga tautona a tlatsa a re mogolo o ne a bolela a re tshaba e senang ngwao e latlhegile ka jalo a re tautona o buseletsa ngwao gore Batswana ba seka ba latlhega. E rile a itibaganya le magosana a motse wa Letlhakeng, a bolela fa go tlhabisa ditlhong gore e re ba etetswe ba nne moriti o tsididi go iponatsa kwa kgotleng.A re ka tshwanelo, baeng ba ne ba tshwanetse ba fitlhele beng gae kwa kgotleng ga mmogo le ba dikomiti tsa tlhabololo ya motse ka bobedi, a tlatsa a re sago la moeng le bewa ke mong gae Go lebelelela dikgaisano e ne le mopalamente wa kgaolo Rre Liakat Kably, mokhanselera le dikgosi tsa motse wa Mantshwabisi, Moshaweng, Khudumelapye le Malwelwe.E rile a fa malebo mopalamente Kably o ne a kopa banana go fedisa ngwao ya dipolaano.Rre Kably a re go ategile ngwao e sa siamang ya dipolaano, a tlatsa a re ngwao ke boitshwaro le tlotlo.O ne a re bogologolo e ne e re batho ba tlhoka kwitlwisisanyo, balwe ka moretwa, e seng dithipana le ditlhobolo tsa malatsing ano.Mopalamente o kopile banana go tswa mo nnotaging a re e ruta maitsholo a makgapila a tshwana le a boganka le go tlhoka tsebe.E rile a itibaganya le ba ba sa fenyang mo dikgaisanong, Rre Kably o ne a ba kgotlhatsa gore ba seka ba ineela mme ba ikiteye sehuba go ithutuntsha go dira ka nata mo dikgaisanong tse di latelang.Kwa Kgaolong ya Letlhakeng Bophirima, setlhopa sa banana ba Tsetseng se dule ka tse di tsididi mo dikgaisanong tsa moopelo.

Boikuelo jwa banni ba Moshaweng

[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba motse wa Moshaweng mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba lela ka tsela ya Molepolole/Moshaweng ba re ga e a siama.Ba boleletse modulasitilo wa Khansele ya Mokwena Rre Motlhopi Leo fa ane a buisa phuthego kwa motseng oo maabane.E rile a amogela baeng, moemela kgosi ya motse wa Moshaweng Kgosi Kegobonye Maruping a ngongoregela gore tsela ya Moshaweng Molepolole e agwa e baakangwa, sebe sa phiri e nne gore ga go sepe se se bonalang morago ga e fetswa go dirwa.Kgosi Maruping a re go dirwa ga tsela eo, ga go nke go kgotsofatsa gotlhelele ka gore e tshelwa seretse se se paledisang go tsamaya fa dipula di nele, le lerole le le betang kolobe fa go fisa.A re ke ka moo go senang ope yo itlhaopelang go tsenya sepalamo sa sechaba mo tseleng e : ka e sa siama gotlhelele ,a tlatsa ka gore tsela eo e ba diela tswelelopele.Kgosi o ne a kopa gore bogolo tsela eo, e tshelwe sekontere le fa e le sekgala sa dikhilomitara tse pedi a re go ka boloka madi a dirisiwang fa go ntse gotwe e a baakangwa.Mo go tse dingwe kgosi Maruping one a kopa gore ba tseye ditlamelo golo go le go ngwefela. A re o tshwentswe thata ke gore dingwe dithuso ba di latlela kwa khanseleng ya Letlhakeng fa dingwe ba tshwanelwa ke go ya Thamaga jaaka tsa kabo ditsha .Kgosi o ne a bua a sa kgwe matlhe gore fa bagolo ba tsena koo, ba a latlhelelwa, go makgetlho mantsi ba boa fela ba sa thusiwa ka fa go tshwanetseng. O ne a kopa gape gore badiredi ba Lekgotla la kaboditsha ba atumele, go fokotsa madi a banni baa dirisang go palama.E re dikgang di eme jalo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Lebogang Manthukhwi o ne a ngongoregela gore lephata la makgotla a setswana le gana go adimana koloi ya puso le maphata a mangwe mo motseng.

O ne a bua a sa osheoshe gore ba gana le gone tota go thusa go isa leokwane kwa sedibeng sa motse, mme motse o felele o le mo lenyorengMme Manthukwi o ne a re koloi e dirisiwa ke lephata leo fela, a tlatsa a re le mapodise mo kgotleng ga ba letlelelwe go e dirisa tota.E rile a rabela matshwenyego ao, modiri mo kgotleng ya motse Mme Lechedzane Chilume a bolela fa taolo eo e tswa kwa mogolwaneng wa gagwe kwa Letlhakeng.Ba kabo ditsha bane ba solofetsa morafe gore batla atumetsa ditlamelo tsa go ba tlisetsa ditlankana tsa ditsha tsa bone, go itsa go dirisa madi a mantsi mo mosepeleng. Modulasetilo wa Khansele ya Kweneng o ne a araba ka gore go utlwisa botlhoko gore e re Taurona a ntshitse taelo gore a didirisiwa tsa puso di amoganwe, go bo go santse go na le bao ba ba di ikgagapelelang. Rre Leo o ne a re ga se gone gore koloi ya puso e nne fela, a tlatsa a re e ka amoganwa le ke maphata a mangwe fa ba batla thuso. Ka Jalo , o ne a kopa tirisanyo mmogo gore tiro ya puso e tsamae ka thelelo. Mabapi le tsela ya Moshaweng Molepolole, Rre Leo o ne a tlhalosetsa sechaba ka kwelo tlase ya itsholelo mme a ba kopa go sa fele pelo mme e tlaare seemo se boela mannong ba akanyetswe sengwe.

Dikgoge tsa kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana/Moshaweng

Dipadi tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-02-09.

Coordinates: 24°27′5″S 25°2′1″E / 24.45139°S 25.03361°E / -24.45139; 25.03361